GABORONE, Lwetse 24 — Bagwebi ba Botswana ba ba romelang dithoto kwa mafatsheng a sele ba simolola go ipaakanyetsa go dirisa tshono e e bulegileng morago ga katoloso ya lefatshe la China ya go reka dithoto tsa Afrika ntle re go duela lekgetho jaaka fa dipalo tsa bosheng tsa theko le thekiso di supa botlhokwa jo bo ntseng bo gola jwa go romela dithoto tsa Botswana kwa mmarakeng wa China.
Go simolola kgwedi ya Motsheganong e rogwa, lefatshe la China le ne la atolosa thulaganyo ya zero-tariff go akaretsa di percent di le lekgolo tsa mefuta ya dithoto tse di amogelwang go tswa kwa mafatsheng otlhe a le masome a matlhano le boraro a Afrika, a lefatshe la China le nang le ditirisano le one, go akaretsa la Botswana.
Thulaganyo e, e letla dithoto tsa Botswana tse di hetileng diteko, go tsena mo mmarakeng wa lefatshe leo ntle le go duela lekgetho la dithoto, e bo e bula ditshono tse disha mo bagwebing ba ba batlang go atolosa thekiso ya bone kwa mebarekeng e e seng ya tlwaelo.
Tshono e, e tla ka nako e e botlhokwa jaaka fa lefatshe la Botswana le batla go kabakaya itsholelo ya lone e e sa bolong go ikaega thata ka diteemane, le go aga metswedi e mesha ya go direla lehatshe letseno ka go romela dithoto kwa ntle.
Lefatshe la China le setse le itshupile go nna le nngwe la mebaraka e e botlhokwa thata ya dithoto tsa Botswana.
Dipalopalo tsa lefatshe la Botswana di supa gore lefatshe la China le ne le le mo maemong a bobedi mo mafatsheng aa neng a reka dithoto tsa lefatshe la Botswana ka kgwedi ya Seetebosigo, dithoto tsa boleng jwa P737.6 million, tse di neng di dira 14.9 percent ya dithotho tsotlhe tse di rometsweng kwa ntle, le hetwa hela ke lehatshe la United Arab Emirates.
Dipalopalo tsa kgwedi ya Seetebosigo di ne tsa latela tshimolodiso ya thulaganyo e e atolositweng ya zero-tariff ka kgwedi ya Motsheganong a rogwa.
Go reka dithoto tsa Botswana mo go golelang kwa godimo ga lefatshe la China go supa tshono e e teng mo bagwebing ba mono.
Ditshono tse di teng ga se fela tsa ditswa mmung mme di akaretsa le nama ya kgomo, matlalo, dijo tse di tlhotlhilweng, tsa temo-thuo, diaparo le dithoto tse dingwe tse di dirilweng mo Botswana.
Moeteledipele wa Botswana Exporters and Manufacturers Association, (BEMA) Mme Mmantlha Sankoloba, a re thulaganyo e, e bulela ba ba dirang dithoto mo Botswana ditshono tse dikgolo, mme dikgwebo di tshwanetse go ikitaya sehuba gore ba kgone go gaisana mo mmarakeng wa China.
A re BEMA e bereka le badiri ba dithoto go lemoga dikgwebo tse di nang le bokgoni jwa go rekisa kwa ntle ga lefatshe, gape ba thusa go nonotsha ipaakanyo ya go romela dithoto kwa ntle, ipapatso le go golaganya bagwebi ba Botswana le bareki ba ba ba China.
Sankoloba a re lefatshe la Botswana gape le tshwanetse go sekaseka sesha molao wa lone wa thomelo ya dithoto kwa ntle gore le kgone go tsibogela ditshono tse disha mo mebarakeng e megolo e e tshwanang ya China.
“Lekalana le le ikemetseng ga le ka ke la dira se le le nosi. Puso le madirelo di tshwanetse go bereka mmogo ka maikaelelo,” one a tlhalosa.
Lefatshe la Botswana le tsena mo mmarakeng o o atolositsweng wa lefatshe la China le na le bokgoni mo dithotong dingwe, fa le bapisiwa le mafatshe a mangwe a Afrika, a a nang le bokgoni jwa go ntsha dithotho ka dipalo tse di kwa godimo.
Thekiso ya nama ya kgomo ke nngwe ya tse boleng jwa yone, bokgoni jwa go sala morago gore e tswa kae, le leina le Botswana le lentle e le itiretseng, di ka bulang ditshono. Matlalo, di tswa temong tse di setseng di dirilwe le dithoto tse dingwe tse go setseng go tsentswe boleng mo go tsone, le tsone di ka atolosa mefuta ya dithoto tsa Botswana tse di gorogang kwa bareking ba China.
Go dira tshono e ya senela ruri, go tla ikaega ka go kabakanya dithoto tsa Botswana tse di kgonang go tsena le go gaisana mo mmarakeng wa China.
Thulaganyo e ya zero-tariff, e ka bula ditshono tse di fetang go romela dithoto fela tse lefatshe la Botswana le setseng le di dira. Go nna le phitlhelelo e kgolwane mo mmarakeng wa China go ka rotloetsa peeletso mo go tlhabololeng le go dira dithoto mo gae, gore di newe pele di romelwa kwa ntle ga lefatshe.
Se se tsamaisana le maiteko a Botswana a go kabakanya thomelo ya dithoto le go aga madirelo aa kgonang go tlhama ditiro le go dira gore boleng jwa dithoto tse di dirwang mo gae e nne jo bo kgatlhang.
Madirelo a nama ya kgomo a supa bogolo jwa tshono e, gammogo le dikgato tse di sa ntseng di tshwanetse go tsewa pele ga dithoto dingwe di ka tsena mo mebarakeng e e rileng.
Moeteledipele wa thekiso le phatlhalatso kwa Botswana Meat Commission, (BMC) Mbaakanyi Mazwiduma, a re BMC ga e ise e romele nama ya kgomo kwa China ka gonne ditumalano tsa kalafi le taolo ya malwetse a diphologolo tse di tlhokegang gore nama e amogelwe mo mmarakeng oo di sa ntse di emetse go konetellwa.
“BMC e kgona go romela nama ya yone kwa mebarakeng e e farologaneng go ya ka ditumalano tse di fitlheletsweng magareng ga bagolwane ba tsa kalafi ya diphologolo ba lefatshe le le rekang le mo Botswana,” Mazwiduma o rilealo.
“BMC ga e ise e romele nama kwa China ka e sa ntse e emetse gore ditumalano tseo di wediwe.”
Maitemogelo a BMC a supile pharologanyo e e botlhokwa magareng ga go sa duela lekgetho la dithoto le go amogelwa ga dithoto tse di rileng mo mmarakeng.
Le fa dithoto tse di letlelesegang di ka tsena kwa China ka zero-tariff, dithoto jaaka nama ya kgomo, di tshwanetse go fitlhelela ditlhokego tsa ba kalafi ya diphologolo, tsa boitekanelo le melao e mengwe pele di ka romelwa.
Go konosediwa ga tse di tlhokegang go ka bula tsela e nngwe e Botswana e ka oketsang mefuta ya dithoto tse e di rekisang kwa China.
Ka jalo, tshono e, ga e felele fela mo go oketseng boleng jwa dithoto tse di setseng di romelwa kwa China. Kgwetlho e tla nna gore a madirelo a dithoto le ba temothuo ba ka dirisa phitlhelelo e, e e kgethegileng go rekisa dithoto tse disha mo mmarakeng wa China, le peeletso mo go tlhabololeng dithoto, e ka thusa Botswana go boloka boleng jwa dithoto mo gae pele di romelwa kwa ntle.
Gore lefatshe China lebo lele mo maemong a bobedi a mafatshe aa rekang dithoto tsa Botswana ka kgwedi ya Seetebosigo, go supa gore ditirisano tsa kgwebo magareng ga mafatshe oo mabedi di tsweletse ka gola.
Tshono ya zero-tariff jaanong e bula tshono ya go atolosa kamano ya dithoto tse di setseng di romelwa, le go dira gore dithoto tse dintsi tse di dirwang mo Botswana di goroge kwa mmarakeng wa China.

