GABORONE, Diphalane 27 — Mokgatlho wa Botswana-China Frienship Association (BOCFA) o boletse ka Labobedi gore moletlo wa ngwao o o tla tshwarwang mo bokhutlong jwa beke o ikaelela go nonotsha tirisanommogo magareng ga mafatshe a Botswana le China mo kgwebong, dipeeletsong le mo botsalanong jwa batho ba mafatshe a mabedi a, go tsweledisa ditshono tse di duleng mo loetong lwa ga Tautona Duma Boko kwa China bosheng.
Fa a ne a bua kwa kopanong le babegadikgang kwa Grand Palm Hotel mo Gaborone, Modulasetilo wa BOCFA, Miles Nan, o boletse gore moletlo wa Botswana-China Friendship Evening, o o tla tshwarwang ka Matlhatso kgwedi ya Phalane a le 31, o tla kopanya baemedi ba puso, baeteledipele ba dikgwebo, baemedi ba mafatshe ba mahatshe a sele le badiragatsi go tswa mo Botswana le China.
Nan o boletse gore botsalano jwa mafatshe a mabedi bo tshwanetse go tswela batho ba mahatshe oo mabedi mosola.
O rile ba batla go bona maduo aa nonofileng magareng ga dikgwebo, balemi-barui, babeeletsi le ba ba dirang mo madirelong a bojanala, gammogo le go bulela banana ba Botswana ditshono tse dintsi.
O tsweletse ka go tlhalosa gore se se dirilweng mo loetong lwa ga Tautona Boko kwa China se supile se se ka fitlhelelwang ha mahatshe a dirisana.
Nan a re moletlo oo o tla thusa go tsweledisa tirisanommogo eo.
Moletlo o o rulagantsweng ka tirisanommogo ya BOCFA, Business Botswana le China Quyi Artists Association, o tla tshwarelwa kwa Gaborone International Convention Centre (GICC), mme go solofetswe gore Tautona Boko o tla nna moeng wa tlotla.
Barulaganyi ba boletse gore moletlo oo o tla nna le ditiragalo tsa ngwao tse di tla dirwang ke badiragatsi ba Botswana le China, go supa dingwao tsa mafatshe ka bobedi, gammogo le go rotloetsa tirisanommogo magareng ga batho ba one.
Nan o boletse gore mokgatlho wa BOCFA o ikaeletse go netefatsa gore botsalano jwa Botswana le China bo tlisa ditshono tse di bonalang, bogolo jang mo temothuong, bojanala, dipeeletsong le mo tlhabololong ya banana.
Moletlo oo o latela loeto lwa ga Tautona Boko kwa China go simolola ka Phalane a le 12 go hitlha ka a le 17, lo mo go lone mafatshe a mabedi a dumalaneng go nonotsha tirisanommogo mo kgwebong, dipeeletsong, tsa mafaratlhatlha, temothuo, maranyane le makalana a mangwe.
Mo loetong loo go ne ga tshwarwa bokopano jwa dikgwebo kwa Beijing, e maikaelelo a yone e neng e le go kopanya dikgwebo tsa Botswana le babeeletsi gammogo le ba dikgwebo ba kwa China.
Lefatshe la Botswana le batla go ngoka dipeeletso mo madirelong a a dirang dithoto, go atolosa mebaraka ya dithoto kwa mafatsheng a sele, le go nonotsha maiteko a go godisa itsholelo ka ditsela tse dingwe ntle le go ikaega thata ka diteemane.
Mookamedi wa Business Botswana, Tumi Mbaakanyi, yo le ene a neng a bua kwa kopanong le babegadikgang ka Labobedi, o ne a gatelela ditshono tse di leng teng tsa go godisa ditirisanommogo tsa dikgwebo magareng ga mafatshe ka bobedi.
Go nna le seabe ga Business Botswana, e e leng mokgatlho o mogolo o o emetseng ba dikgwebo mo Botswana, go solofetswe go rotloetsa ditirisano tse di nonofileng magareng ga dikgwebo tsa mo gae le tsa kwa China.
Moletlo oo o tla neela ba temothuo, bojanala le madirelo a mangwe mo Botswana sebaka sa go kopana, go aga botsalano le go sekaseka ditshono tsa tirisanommogo.
Mothusa-mokwaledi yo o okametseng tsa botaki mo lephateng la metshameko le botaki, Tebogo Matebesi, o amogetse thulaganyo eo, a tlhalosa gore go abelana ngwao go ka thusa go nonotsha botsalano jwa mafatshe ka bobedi, fa gape go bulela bataki ditshono.
Matebesi o boletse gore go abelana ngwao go na le seabe se segolo mo go lereng batho ba China le Botswana mmogo.
O rile lephata le amogela ditshono tse di letlang badiragatsi ba Botswana le China go abelana dingwao tsa bone, go ithuta mo go ba bangwe le go aga tirisanommogo ya sennela ruri.
A re ba ikaelela go bona moletlo o o tla supang bokgoni jwa badiragatsi le bokgeleke jwa dingwao tsa mafatshe oo mabedi.
Go nna le seabe ga badiragatsi ba mokgatlho wa China Quyi Artists, go solofetswe go ngoka babogedi ka mefuta, e e akaretsang go tlhaba dinaane, go opela le mefuta e mengwe ya bodiragatsi jo bo dirisang puo.
Badiragatsi ba Botswana le bone ba tla supa dingwao tsa mo gae, mme se se tlaa neela badiragatsi ba mafatshe ka bobedi sebaka sa go abelana maele.
Thulaganyo eo ya ngwao e tla ka nako lehatshe la Botswana le batlang go godisa mohama wa botaki le go atolosa tirisanommogo le mafatshe a mangwe mo tlhabololong ya botaki le ngwao.
Go abelana ka tsa ngwao go na le seabe se setona mo ditirisanong tsa Botswana le China, go tlaleletsa tirisanommogo e e leng teng mo go tsa thuto, boitekanelo, tsa mafaratlhatlha le tlhabololo ya itsholelo.
Mo loetong lwa ga Tautona Boko kwa China, puso tsa mafatshe a mabedi di ne tsa gatelela gape maikaelelo a tsone a go nonotsha ditirisano magareng ga batho ba one, go akaretsa tirisanommogo mo go tsa ngwao, bojanala, thuto le tlhabololo ya basha.
Go solofetswe gore moletlo wa Botswana-China Friendship Evening o kopanye baemedi ba puso, baemedi ba mafatshe a sele, dikgwebo tse di ikemetseng le mekgatlho ya ngwao.
BOCFA e ntse e na le seabe mo go rotloetseng botsalano jwa mafatshe ka bobedi ka tsa ngwao, kopano ya tsa dikgwebo le tirisanommogo e maikaelelo a yone eleng go nonotsha bojammogo magareng ga mafatshe oo mabedi.
Tirisanommogo ya mokgatlho oo le Business Botswana gammogo le China Quyi Artists Association e supa maiteko a go kopanya tirisanommogo ya ngwao le kgwebo mo thulaganyong e le nngwe.
Botswana le China di agile botsalano jwa semmuso Firikgong a le 6, 1975, mme ba keteka dingwaga di le 50 tsa ditirisano tseo ka 2025.
Fa e sale ka nako eo, mafatshe oo mabedi a atolositse dtirisano mo makalaneng a le mmalwa, mme China ya nna nngwe ya mafatshe aa nnileng le seabe se segolo mo kagong ya mafaratlhatlha, thuto, boitekanelo le maiteko a Botswana a go atolosa itsholelo.
Moletlo wa Botswana-China Friendship Evening o tla simolola ka nako ya bone maitseboa ka Matlhatso kwa Gaborone International Convention Centre.

