Jaaka Tautona Duma Boko a ipaakanyetsa leeto la gagwe la ntlha la semmuso kwa China, morago ga go tsaya puso, mahatshe a Botswana le China a mo nakong e e botlhokwa ya botsalano jo bo agilweng mo dingwageng tse di masome a matlhano le bongwe tse di fetileng, jo bo ikaegileng ka tlotlo, tshepho le tirisano mmogo.
Leeto le, le le tlaa simololang ka kgwedi ya Phalane e ele lesome le bobedi go hitlha a le lesome le bosupa, le tlaa bulela mafatshe oo mabedi ditshono tsa go nonotsha tirisano mmogo ya ditogamaano, e e simolotseng ele botsalano jo boneng bo tswa mo tshwaraganong ya tirisano mmogo mo go tsa meepo, motlakase, boitekanelo le dipapadisano.
Mo phuthegong ya babegadikgang ya Phalane a robabongwe, Mmueledi wa Lephata la tsa Mafatshe a Sele la China, Mao Ning, o tlhalositse gore kamano ya mafatshe oo mabedi e ikaegile ka boammaaruri, botsalano le tirisano mmogo e e solegelang matlhakore otlhe molemo.
Mo leetong le, Tautona wa lehatshe la China Xi Jinping, o tlaa amogela Tautona Boko semmuso ka moletlo wa dijo, mme bobedi joo bo tshware dipuisanyo. Boko o tlaa kopana gape le bagolwane ba akaretsa Li Qiang, mmogo le Zhao Leji, Mookamedi wa komiti ya National People’s Congress, pele ga a etela kgaolo ya Fujian.
Dipuisanyo tseo di tshwarwa mo nakong e dipeeletso le ditlhabologo tsa lefatshe la China mono di gatetseng pele ka go gola.
Kwa moepong wa kopore wa Khoemacau, peeletso e e tlhotlheletswang ke lehatshe la China, e thusa go atolosa kepo ya kopore, mme seo se hile Batswana ditiro, go ithuta ka maranyane a masha le go atolosa itsholelo gore e se ka ya ikaega ka diteemane hela.
Kwa Jwaneng, maharatlhatlha a motlakase wa letsatsi a 100 megawatt, a a agilweng ke khampani ya China, a supa seabe le bokgoni jwa boitseanape jwa China mo go oketseng motlakase o o sa kgotleleng tikologo, le go nonotsha phatlalatso ya motlakase mo Botswana.
Botsalano joo bo ama gape matshelo a batho ka tlhamalalo. Dingaka tsa China tse di rometsweng kwa kokelong ya Princess Marina mo Gaborone le ya Nyangabgwe Referral kwa Francistown, di thusa ka ditirelo tsa kalafi e e kgethegileng, ga mmogo le go abelana kitso le bokgoni le badiri ba tsa botsogo.
Papadisano le yone e supa kgatelopele e e nametsang pelo. Ene yare ka Seetebosigo 2026, lehatshe la China la nna lefatshe la bobedi le Botswana e neng e romelela dithoto tse dintsi kwa go lone, morago ga United Arab Emirates. Dithoto tseo e ne ele tsa boleng jwa 737.6 million Pula, ele 14.9 percent ya dithoto tsotlhe tse Botswana e neng ya di romela kwa mafatsheng a sele mo kgweding eo.
Katoloso ya thulaganyo ya China ya go amogela dithoto dingwe di sa kgethe makgetho a dithoto tse di tsenang mo lefatsheng leo, e bulela Botswana ditshono tse dingwe mo temothuong, madirelong le mo dithotong tse di okeditsweng boleng. Ha ditshono tseo di ka tsamaisiwa le peeletso ya go dira dithoto mo Botswana, go ka thusa go nonotsha seabe sa Botswana mo go tsenyeng karolo mo mebarakeng ya mahatshehatshe.
Ditlhabologo tseo,di neela dipuisanyo tsa ga Boko le Xi bokao jo bogolo. Kwa ntle ga go nonotsha botsalano jwa mahatshe, leeto le le bulela mafatshe ka bobedi ditshono tsa go atolosa tirisano mmogo mo madirelong, go ngoka dipeeletso, go abelana ka tsa maranyane le go aga dikgolagano tse di nonohileng tsa papadisano.
Maitemogelo a China mo madirelong, kago ya mafaratlhatlha, phatlalatso ya motlakase o o sa kgotleleng tikologo le tlhabololo ya temothuo, a ka thusa Botswana mo maikaelelong a go atolosa metswedi ya itsholelo.
Botsalano joo bo thusa gape tebelopele ya go aga China le Afrika o o nang le bokamoso jo bo abelanwang mo dinakong tsa segompieno, seo se ikaegileng ka go arogana ditlhabololo le tlotlo ya maikaelelo a lefatshe lengwe le lengwe.
Dingwaga tse di masome a matlhano le motso morago ga go tlhomiwa ga tirisano e ka 1975, mahatshe a Botswana le China a na le motheo o o nonohileng wa go atolosa tirisano mmogo e.
Loeto lwa ga Boko jaanong le bulela mafatshe a, ditshono tsa go hetola botsalano jwa dingwaga tse dintsi ntsi go nna le dipeeletso tse disha, tirisano mmogo ya madirelo le dithulaganyo tsa ditlhabololo tse di ka solegelang batho ba mafatshe ka bobedi molemo mo isagong.
Karolo e e latelang ya ditirisano tsa Botswana le China ga e kitla e laolwa hela ke ditumalano tsa mahatshe, mme gape le ke ditshono tse di tlaa tswang mo leetong le la botlhokwa la ga Tautona Boko.

