African Languages

Stanbic Bank Botswana e Simololodisa Tirelo ya go Duela ka Yuan go Nonotsha Dipapadisano Magareng ga Botswana le China

Africa China Daily Desk

GABORONE, Ngwanatsele 18 — Banka ya Stanbic mo Botswana e simolodisitse thulaganyo ya China ya Cross-Border Interbank Payment System (CIPS), seo se e dira go nna banka ya ntlha mo Botswana go fa dikgwebo tsa mo gae tsela e ntsha ya go duela le go amogela madi a kgwebo ka ledi la China la Renminbi.

Tirelo eo, e e ribolotsweng mo Gaborone ka Labobedi, e solofetswe go nolofatsa dituelo magareng ga dikgwebo tsa Botswana le balekane ba tsone ba kgwebo kwa China, ka go fokotsa ditshenyegelo le tiego tse di amanang le go dirisa madi a mafatshe a mangwe mo ditirisanyong ya tsa madi.

Mookamedi wa Stanbic Bank Botswana, Chose Modise, a re thulaganyo eo e tla thusa go sutisa dikgwetlho tse dikgwebo di kopanang le tsone fa di reka didirisiwa le dithoto tse di rekwang kwa China, mme gape e he dikgwebo tse di romelang dithoto kwa China tsela e nngwe ya go amogela dituelo.

Banka eo e ha bareki ba ba maleba mo Botswana tirelo eo ka tirisanyo le Standard Bank South Africa, e e neng ya nna leloko la CIPS ka ngwaga wa 2025. Stanbic Bank Botswana e dirisa maranyane a dibanka tse di mo setlhopheng sa Standard Bank, go na le go nna leloko le le ikemetseng.

Ka thulaganyo eo, dikgwebo tsa Botswana tse di rekang dithoto kwa China di ka duela barekisi ka Renminbi, fa tse di romelang dithoto kwa China le tsone di ka amogela dituelo ka ledi leo. Dikgwebo di ka nna tsa tlhoka go fetola ledi la pula go la Renminbi, mme di tile go fetolela ledi gape ko dolareng ya Amerika.

Mothusa Mookamedi wa Industrial and Commercial Bank of China (ICBC) mo Afrika, Jia (Jason) Liu, a re go dirisiwa ga Renminbi go ka thusa dikgwebo tsa mafatshe oo mabedi go fokotsa ditshenyegelo.

Liu a re fa mogwebi wa kwa China a duela mogebi wa Botswana ka didolara tsa Amerika, go ka tlhokega gore a reke didolara pele a romela madi, mme kgwebo ya Botswana e bo e fetolela madi ao go nna ledi la pula fa e sena go a amogela. O tlhalositse gore go duela ka Renminbi ka tlhamalalo go ka fedisa nngwe ya dikgato tseo tsa go fetola madi.

Liu a re, “thebe nngwe le nngwe e botlhokwa thata mo kgwebong,” a rotloetsa dikgwebo go buisana le balekane ba bone ba kwa China ka go dirisa Yuan mo dituelong.

Le fa go ntse jalo, selekanyo sa madi a dikgwebo di ka a bolokang se tla ikaega ka seelo sa kananyo ya ledi, dituelo tsa dibanka le ditumalano tse di dirisiwang mo kgwebong nngwe le nngwe.

Liu one a supa tsholofelo ya gore go dirisiwa mothale o wa dituelo go tla nonotsha dipapadisanyo magareng ga Botswana le China.

Go ribololwa ga tirelo eo go ikaegile ka tirisanyo e e sa bolong go nna teng magareng ga ICBC le Standard Bank, e e simolotseng morago ga gore banka ya China e reke 20 percent ya Standard Bank ka ngwaga wa 2008.

Go ya ka Liu, dibanka tse pedi tse di thusitse ka madi mo ditirong tse di fetang 130 mo Afrika mo dingwageng di le 18 tse di fetileng, ka dikadimo tse di gorogang kwa go 28 billion US dollars. Ditiro tseo di akaretsa le tsa kgothetso mo Botswana.

Tirelo e ya China ya CIPS e thusa ka dituelano tsa Renminbi. Standard Bank e ne ya tlhalosa fa e ne e simolola tirelo eo ka ngwaga wa 2025 gore e he bareki ditsela tse dingwe tsa go dira dituelo le go gweba le China.

Mothusa Tona wa Kgwebo le Papdisanyo, Baratiwa Mathoothe, yo o neng ale molalediwa wa tlotlo kwa moletlong oo, a re thulaganyo e ntsha e ka fokotsa dibanka tse madi a fetisiwang ka tsone pele a goroga kwa a yang teng.

A re seo se ka hokotsa ditshenyegelo, mme sa hehosa dituelo le go thusa bareki go sala morago ditsamaiso tsa madi a bone ka tsela e e botoka.

Mathoothe a re tirelo eo e ribolotswe mo nakong e Botswana e nonotshang tirisanyo ya dipapaisano le China, morago ga gore ditirisano tsa mafatshe oo mabedi di tlhatlositswe go nna Comprehensive Strategic Cooperative Partnership, ka nako ya loeto lwa ga Tautona Duma Boko kwa China ka kgwedi ya Phalane.

A re ditshono tsa dikgwebo le dipeeletso di tshwanetse go tshegediwa ke ditirelo tsa madi tse di ikanyegang gore dikgwebo di kgone go solegelwa molemo.

Go simolodisiwa ga tirelo ya go duela ka Yuan go tla ka nako e Botswana a lekang go atolosa mebaraka ya dithoto kwa ntle, go rotloetsa tiro ya dithoto mo gae le go nonotsha tirisano tsa kgwebo le China.

Liu o rotloeditse gape dikgwebo tsa Botswana tse di romelang dithoto kwa China di sekaseke ditshono tse di tswang ka ntlha ya molao wa China wa go sa duedise makgetho a dithoto dingwe tse di tswang mo mafatsheng a Afrika.

Mo dikgwebong tse di tla dirisang thulaganyo eo, dikatso tsa yone di tla a ikaega ka bokgoni jwa modirisi, ditumalano tsa dibanka, le gore a bareki le barekisi ba kwa China ba ikemiseditse go dirisa Renminbi mo dituelong tsa bone tsa kgwebo.