African Languages

Tebelopele ya ga Xi ka Tirisanommogo ya China le Afrika e Supa Tsela ya Tlhabololo e e Solegelang Matlhakore otlhe Molemo

Africa China Daily Desk
President Xi Jinping addressing the 2021 FOCAC ministerial conference, with China and African national flags behind him

GABORONE, Ngwanatsele 16 — Tebelopele ya ga Tautona wa China, Xi Jinping, ka tirisanommogo ya China le Afrika, e a e tlhalositseng kwa kopanong jwa matona jwa 8 Forum on China-Africa Cooperation (FOCAC) ka Ngwanatsele 2021, e sa ntse e supa tsela ya go nonotsha kgwebisano, dipeeletso, madirelo le dikamano tsa batho ba China le ba Afrika.

Fa a ne a bua kwa kopanong eo, Tautona Xi o ne a nankola botsalano jo bo sa bolong go nna teng magareng ga China le Afrika, jo bo ikaegileng ka go emana nokeng, go tlotlana le maikaelelo a a tshwanang a ditlhabololo.

“Se se dirang gore ditirisano mmogo ya China le Afrika di seka tsa nna thata ke mowa wa botsalano le tirisanommogo o o sa khutleng,” a tlhalosa, a gatelela botlhokwa jwa tekatekano, go solegelana molemo le go gatela pele mmogo.

Mo puong ya gagwe, o ne a supa dintlha tse nne tse di botlhokwa mo go nonotsheng tirisanommogo, e leng go dirisana mo go lwantsheng malwetse, go atolosa tirisanommogo e e nang le maduo, go rotloetsa tlhabololo e e somarelang tikologo le go emela tekatekano le tshiamiso.

“Re tshwanetse go dira ditshono tse disha tsa tirisanommogo ya China le Afrika, go atolosa go ngweba mmogo le dipeeletso,” ga bua Tautona Xi, a rotloetsa gape tirisanommogo mo itsholelong ya maranyane le go tshegetsa Ma Africa ba ba simololang dikgwebo.

Nngwe ya dintlha tse dikgolo tsa puo eo e ne e le kitsiso ya dithulaganyo di robangbongwe tsa tirisanommogo, tse di akaretsang botsogo, temothuo, kgwebisano, dipeeletso, maranyane, tshomarelo ya tikologo, go aga bokgoni, dikamano tsa ngwao le tshireletsego.

Mo thulaganyong ya go gweba mmogo, lehatshe la China le ne la solofetsa go nolofaletsa dithoto tsa temothuo tse di tswang Afrika go tsena mo mmarakeng wa lone, ka maikaelelo a go reka dithoto tsa boleng jwa 300 billion US Dollars (mo e ka nnang P4.21 trillion) mo dingwageng tse tharo tse di tlang.

Mo dipeeletsong, lehatshe la China le ne la ikaelela go rotloetsa dikompone tsa yone go beeletsa 10 billion US Dollars (mo e ka nnang P140.16 billion) mo Afrika, gammogo le go rotloetsa tlhabololo ya madirelo le dikgwebo tsa MaAfrika.

Se sengwe se se botlhokwa e ne e le boineelo jwa China jwa go rotloetsa thuto ya ditiro tsa diatla, katiso ya bokgoni le go tlhama ditiro, go akaretsa go rotloetsa dikompone tsa China tse di direlang mo Afrika go tlhama ditiro di le 800,000.

Mo mahatseng a a tshwanang le Botswana, dintlha tseo di sa ntse di le botlhokwa mo maitekong a go kabakanaya itsholelo, go godisa madirelo, go dirisa metswedi ya motlakase e e ntshafadiwang le go fetisetsa bokgoni mo badiring.

Tautona Xi one gape a gatelela ditlhabololo tse di somarelang tikologo, a rotloetsa dipeeletso mo go tsa kgotetso, motlakase wa letsatsi, phefo le metswedi e mengwe e e ntshafadiwang.

“Lefatshe le tlhoka tirisanommogo tota ya mahatshe a le mantsi,” a tlhalosa, a gatelela botlhokwa jwa tekatekano, go nna le nnete gammogo le tirisanommogo mo ditirisanong tsa mahatshehatshe.

Kwa ntle ga ditsholofetso tsa madi, puo eo e ne ya kaa tebelopele ya ditirisano tsa China le Afrika tse di ikaegileng ka ditlhabololo tse di nang le maduo a a bonalang.

Dingwaga di le tlhano morago ga puo eo, botlhokwa jwa yone ga bo mo bogolong jwa ditsholofetso tse di neng tsa dirwa hela, mme gape bo mo ditshonong tse di neng tsa supiwa tsa gore mahatshe a Afrika a nonotshe bokgoni jwa go dira, ba atolose go gwebisana le go aga, go tlhatlhelela badiri ka dithuto gore ba nne le bokgoni.

Go fetola maikaelelo ao go nna maduo a a bonalang mo itsholelong le mo matshelong a batho go sa ntse go le botlhokwa mo go ageng setshaba sa China le Afrika se se nang le isago e e abelanwang.

Read in English