Ka Moutlakgola Masire
Leeto la ga Tautona Duma Boko kwa khampaning ya China ya CATL, e e dirang dibeteri tsa dikoloi tsa motlakase mo kgaolong ya Fujian, ke nngwe ya ditiragalo tse di botlhokwa mo leetong la gagwe la semmuso kwa China. Kwa ntle ga dipuisanyo tsa mahatshe, leeto leo le neela Botswana tshono ya go ithuta ka ha ditlhabololo tsa maranyane, dipeeletso le dithulaganyo tsa lobaka le leleele di ka hetolang itsholelo ya lehatshe.
CATL ke nngwe ya dikhamphani tse dikgolo mo lefatsheng tse di dirang dibeteri tsa dikoloi tsa motlakase le didirisiwa tsa go boloka motlakase. Kgolo ya yone e supa kgatelopele le maiteko a lefatshe la China mo go tlhabolola madirelo a a ikaegileng ka dipatlisiso, maranyane a segompieno le go ntsha dithoto ka ditsela tse disha.
Mo lehatsheng le le batlang go atolosa itsholelo ya lone gore e se ka ya ikaega ka diteemane hela, maitemogelo a, a botlhokwa thata.
Se se neng sa ngoka kgatlhego ya me mo leetong la ga Boko, ga se fela bogolo jwa khampani ya CATL mo madirelong a dibeteri mo lefatsheng, mme ke ka ha China a kgonneng go aga tsamaiso e e nonohileng ya madirelo e e thusitseng khampani eo go gola.
Maitemogelo a China a supa gore go hetola itsholelo ka madirelo ga se go ngoka babeeletsi. Seo se tlhoka dipeeletso tse di tseneletseng mo go tsa dipatlisisong, go rutuntsha badiri, bokgoni jwa maranyane, go aga mafaratlhatlha, go oketsa go ntsha dithoto le go nonotsha kanamo ya madirelo le barekisi.
Dipego tsa madi tsa CATL di supa maikaelelo ao. Khampani e begile gore ka ngwaga wa 2025 e dirisitse madi a kana Ka 22.1 billion yuan mo dipatlisisong le tlhabololo ya maranyane. Seo se supa bogolo jwa dipeeletso tse khampani eo e di dirang go tswelela e gaisana le tse dingwe mo lefatsheng ka maranyane.
Botswana o ka ithuta go le gontsi mo tseleng eo, jaaka a batla go aga madirelo a masha le go oketsa go ntsha dithoto.
Maiteko a Botswana a go atolosa kgothetso ya motlakase o o sa kgotleleng tikologo a neela mafatshe oo mabedi tshono ya go dirisana mmogo.
Maharatlhatlha a motlakase wa letsatsi a 100 megawatt kwa Jwaneng a lefatshe leno, a a agilweng ke khampani ya China, a setse a supile seabe se boitseanape jwa China bo ka nnang le sone mo tlhabololong ya motlakase mo Botswana.
Maranyane a dibeteri a go boloka motlakase a ka thusa go nonotsha dipeeletso tse di ntseng jalo, ka go boloka motlakase oo gore o dirisiwe ka nako e letsatsi le phirimile, mme seo se ka tokafatsa phatlalatso ya motlakase mo lehatsheng leno.
Kwa ntle ga go fetlha motlakase, tirisano mmogo e ka akaretsa go rutuntsha Batswana mo go tsa maranyane, go baakanya le go tlhokomela didirisiwa, ditirelo tse di amanang le dibeteri, ga mmogo le go tlhoma madirelo a go kopanya kgotsa go dira didirisiwa tse mo Botswana.
Ditshono tse di botlhokwa thata mo maikaelelong a Botswana a go hetoga lehatshe le le sa romeleng fela dithoto tse di bogonoko kwa ntle, mme le dira le dithoto tse di okeditsweng boleng.
Leeto leo le supa gape botlhokwa jwa dithulaganyo tsa ditlhabololo tsa lobaka le leleele.
Mo dipuisanyong tsa gagwe kwa Fujian, Boko o ne a bua ka thulaganyo ya ditlhabololo ya toropo ya Fuzhou, e e bidiwang 3820 Strategic Project, e e simolotseng ka ngwaga wa 1992 ka nako e Xi Jinping e neng e le Mookamedi wa mokgatlho o o busang wa Communist Party of China mo toropong eo.
Thulaganyo eo e ne e beile maikaelelo a ditlhabololo a dingwaga tse tharo, tse di robangbobedi le tse masome a mabedi, se se supa ka ha tebelopele e e sa fetogeng e ka thusang go fetola itsholelo mo dikgatong ka go farologaneng.
E nngwe ya dithuto tse dikgolo tse di tswang mo leetong leo ke gore, go atolosa metswedi ya itsholelo go tlhoka kgolagano e e tswelelang magareng ga dithulaganyo tsa lehatshe, go ngoka dipeeletso, go tlhabolola madirelo le go diragatsa maikaelelo a a beilweng.
Morago ga dingwaga tse di masome a matlhano le motso tsa botsalano jwa mahatshe a, Botswana le China di na le motheo o o nonohileng wa go atolosa tirisano mmogo mo madirelong a a dirisang maranyane a segompieno.
Dipuisanyo tsa ga Boko kwa Fujian di bulela mafatshe oo mabedi ditshono tsa go nonotsha botsalano joo ka tirisano mmogo ya madirelo, go abelana dikitso le go ngoka dipeeletso tse disha.
Ga go ise go itsisiwe ka tumalano epe ya peeletso magareng ga Botswana le CATL, mme go tlaa tlhokega gore go dirwe dipatlisiso tse di supang gore dithulaganyo tse di ka akanyediwang di ka dira dipoelo. Le ha go ntse jalo, leeto leo le butse tsela ya dipuisanyo tse dingwe tsa tirisano mmogo.
Legato le le latelang e tshwanetse go nna go supa makalana a Botswana a ka dirisanang le China mo go one, mo boitseanape jwa maranyane jwa China bo ka thusang go hitlhelela maikaelelo a Botswana a go tlhabolola madirelo le go tlisa maduo a a ka lekanngwang mo itsholelong.
Maitemogelo a ditlhabologo tsa China ga a supe fela katlego ya yone mo madirelong. A neela gape tshono ya go ithuta ka ha tirisano mmogo ya mahatshe, maranyane a masha le dipeeletso tse di tswelelang di ka thusang go aga isago ya itsholelo ya Botswana.
Botlhokwa jwa leeto la ga Boko bo tlaa bonala ka ha ditshono tseo di ka hetolwa go nna madirelo a a dirang dithoto, ditiro tse di tlhokang dikitso tse Di haohegileng le ditirisano tsa papadisano tse di tlaa tswelelang go solegela mafatshe ka bobedi molemo mo isagong.

