GABORONE — Moemedi wa lefatshe la China mo Botswana, Rre Fan Yong, a re maharatlhatlha a motlakase wa marang a letsatsi a Jwaneng a 100 megawatts a simolotse go dira semmuso, mme se thusa go fokotsa tlhaelo ya motlakase mo Botswana le go nonotsha bokgoni jwa lefatshe le jwa go itlamela ka motlakase.
Fa a bua kwa moletlong wa go keteka dingwaga di le masome a supa le bosupa tsa go tlhongwa ga lefatshe la People’s Republic of China, Rre Fan o supile kago eo e le nngwe ya diphitlhelelo tsa tirisano mmogo e e ntseng e gola magareng ga lefatshe la Botswana le la China.
Mafaratlhatlha a, aa agilweng ke kompone ya China Harbour Engineering Company (CHEC), ane a golaganngwa le maharatlhatlha a motlakase a Botswana ka kgwedi ya Moranang 2026, e le kgato e e botlhokwa mo maitekong a lefatshe le a go atolosa metswedi ya motlakase le go fokotsa go ikaega ka motlakase o o rekwang kwa mafatsheng a mangwe.
Go solofetswe gore mafaratlhatlha a a ntshe motlakase wa di kilowatt-hour di ka nna 270 million ka ngwaga, mme se se tsile go thusa lefatshe la Botswana go fokotsa selekanyo sa motlakase o o rekwang kwa ntle ga mmago le madi aa dirisiwang go o reka.
Erile a tswa la gagwe, Mopalamente wa Jwaneng–Mabutsane, Rre Omphemetse Kwapa, a re kago eo e butse ditshono eseng fela go ntsha motlakase, mme e tsile go tlhamela banni ba kgaolo eo ditiro, go ba neela bokgoni jwa tiro le go godisa madirelo.
Rre Kwapa o ne a gatelela botlhokwa jwa phatlalatso ee ikanyegang ya motlakase kwa moepong wa Jwaneng, o ditiro tsa one di tlhokang motlakase bosigo le motshegare.
Le fa tse di molemo tse di tlisewang ke maharatlhatlha a di ise di bonale ka botlalo, o ne a supa tsholofelo ya gore a tla nna le seabe se segolo mo go hediseng letlhoko la motlakase mo Botswana mo isagong.
O bile a tlhalosa gape gore koketsego ya motlakase e ka bula ditshono tsa go godisa madirelo, temothuo le ditiro tse dingwe tsa itsholelo mo kgaolong, a bo a gatelela botlhokwa jwa gore banni ba mahelo a a mabapi ba solegelwa molemo ke dikago tse dikgolo tsa tlhabololo.
Go sa ntse go le foo, Mme Kgomotso Mokopanyi, yo o neng a bereka mo lekalaneng la Screw ka nako ya kago ya mafaratlhatlha a, o ne a gatelela botlhokwa jwa go fetisetsa dikitso le bokgoni jwa tiro mo badiring ba Batswana.
A re kago eo e neetse badiri ba mono tshono ya go ithuta ka go dira ka diatla mo maranyaneng a motlakase wa letsatsi, le go nna le bokgoni jwa tiro jo bo ka ba bulelang ditshono tse dingwe tsa go thapiwa mo madirelong a tsa kgotetso aa sa kgotleleng tikologo.
Kago ya mafaratlhatlha a, e ne gape ya fa baithuti ba le masome a mabedi, ba ba alogileng ka dithuto tsa maranyane a motlakase kwa Jwaneng Technical College tshono ya go ithuta ka maranyane a letsatsi, kago ya one ga mmogo le boitseanape.
Ditlhabololo tse di supa ka fa tirisano mmogo magareng ga Botswana le China mo go tsa kgotetso ee sa kgotleleng tikologo di ka atologela le kwa go godiseng kitso le go nonotsha bokgoni jwa badiri ba Botswana mo ditirong tse di tlhokang boitsaanape.
E re ka maharatlhatlha a a Jwaneng a setse a dira, a na le seabe se se botlhokwa mo maitekong a Botswana a go itlamela ka motlakase, ebile a ntsha ditshono tsa mebereko, kgolo ya madirelo le go fetisetsa dikitso le bokgoni mo Batswaneng mo mohameng o o tsweletseng ka go gola wa kgotetso e e sa kgotleleng tikologo.

