African Languages

Tiro ya go supiwa ga di-drone mo lefaufaung e phatsimisa toropoya Gaborone le go ipelela botsalano hagare ga lehatshe la Botswana le China

Africa China Daily Desk

Motswedi wa setshwantso: High Great Technology Co., LTD

GABORONE, Lwetse 10 – Makgolokgolo a di drone a ne a phaphasela mo lefaufaung mono Gaborone ka Labobedi bosigo mme a bopa mebala e e kgatlhisang e e supang botsalano jwa maranyane, botlhami le ngwao gareng ga lehatshe la Botswana le la China.

Tiro eo e e neng e tshwaretswe kwa lebaleng la University ya Botswana, e ne e supa pitse ya Naga ya lehatshe leno, panda, folaga ya Botswana le lebotana le legolo la China ga mmogo le matshwao a mangwe a a supang tirisano mmogo gareng ga mahatshe oo mabedi.

Moemedi wa lehatshe la China mono Botswana Fan Yong a re tiragatso eo e ne e sa supe hela maranyane le bodiragatsi mme gape e ne e le go keteka botsalano gareng ga Botswana le China.

O boletse gore mo dingwageng tse masome a matlhano le bongwe ha e sale mahatshe oo mabedi a simolola ditirisano, botsalano jwa one bo tsweletse ka go nna le diphitlhelelo tse disha.

Tiro e e tlaa jaana lehatshe la Botswana le ipaakanyetsa go keteka dingwaga di le masome a marataro tsa boipuso.

Mookamedi kwa khamphaning ya Shenzhen HighGreat Innovation Technology Development Gao Haoran a re tiro eo e diretswe go nonotsha dikamano tsa batho ba Botswana le China ka tiriso ya maranyane a segompieno.

Tiro eo e ne e rulagantswe ka tshwaragano le ofisi ya boemedi jwa China mono Botswana, lephata la tsa mahatshe a sele la Botswana ga mmogo le lephata la tsa metshameko le bodiragatsi mme banaleseabe bao botlhe ba ne ba baakanya lefelo le go neng go supiwa kwa go lone, seemo sa itshireletso le tse dingwe tsa botlhokwa.

Gao a re makgolokgolo a di drone di ne tsa tsenngwa mananeo mangwe a a neng a dirilwe go supa dipone tse di kayang ngwao ya China.

Ditsela tse di farologaneng tse di neng di dirisiwa go dira ditshwantsho tseo di ne di supa matshwao a ngwao ya China le dilo dingwe tse di tlwaelesegileng go dirwa ke batho ba Botswana.

Mongwe wa ba ba neng ba bogetse tiragalo eo, Itumelong Jopi a re tiro eo e ne e tsela e e maleba ya go ipelela boipuso jwa lehatshe leno jwa dingwaga di le masome a marataro e bile gape e le go supa tirisano gareng ga mahatshe a China le Botswana.

O boletse fa tiragatso eo e file sechaba sebaka sa go lemoga maranayane a lehatshe la China ka tsela e e sa lebalesegeng.

Bala kgang e ka Sekgoa